Author

Sebofo Motshwane
  • A lebogwa a dirile eng?

    Re setse re kile ra kopana le dipolelo dingwe tse di neng tsa  kaya fa mangwe mapalamente a ne a  tshwara diphuthego tseo. Mme gompieno re ne ra kopana le polelo nngwe ke eo, e supa gore e ne ya re ka yone kgwedi eo, ngwagatlola,...

  • Ga se lefoko le le lengwe

    Jaanong, e tlaa re tsatsi jeno le rona re ikgate motlhala, re boelele polelo ele ya phuthego ya Madiba. Re ne ra utlwa fa phuthego eo, e ne e tshwerwe ke mopalamente wa Mahalapye Bophirima, Rre David Tshere. Ga bonala fa mopalamente a tshwenyegiie...

  • A e se re tia

    Ga re o eme, o okomele, o bone gore o ka sela eng mo go sone. O okomele mme o a fitlhele. O tseye o fetelele pele. Fa o goroga  kwa gae o a tshotse, Setswana se re o tswa go itaya, o tla o iteile, mabowa. Se sa reye go itaya ka thupa, se raya...

  • A di goroge tsotlhe

    Go tlhamalatsa mafoko re re, re tlaa bowa re bue ka polelo ele, e ka yone re neng ra utlwa gore e ne ya re ka kgwedi ya Hirkgong monongwaga mopalamente, Rre Aubrey Lesaso, a tshwara diphuthego tsa kgotla kwa Shoshong, Tobela, le Bonwapitse a otlhe e...

  • A e tsene ka ntlha tsotlhe

    Mme le gale, a re re, fa phokoje ene a a tle a bo a seselela go senya, a jela barui dipodi, a nwela balemi magapu, rona re a bo re sa seselele tseo; re a bo re seselela tse bangwe ba reng ba di rata thata. Fa re ntse re sesela jalo, ra kopana le...

  • A o bona diphoso dingwe?

    Re tlaa wela mmila  wa maloba mme re boelele polelo ele ya moletlo wa kereke ya Head Mountain of God Apostolic Church in Zion. Go gatela pele re re, re ne ra utlwa fa moletlo oo, o ne wa tshwarwa ngogola ka kgwedi ya Ngwanatsele kwa Jackalas No...

  • Go buiwa ka mmaba e le motho

    Go bua jalo ba re ba raya gore, dilo tsa botshelo di dirafala ka ditsela di farologanyeng. Dilo di tle e le tse di botlhoko mme di re hutsafatse, di re letse. Tse dingwe e nne tse di monate, di itumelelwe, di lelediwe megolokwane. E re botshelo bo...

  • E nngwe e tlhageletse

    Ga twe, gone koo, mopalamente a rotloetsa Batswana gore tse tsotlhe ba di beele fale, ba eteletse pele lorato, therisanyo, le tshwaragano. Re iteele mafoko a kobo moroko re re, a go nne jalo Batswana ba goge mmogo, ba sa goge motsokwe, ba dira mmogo...

  • Ga go wele sentle

    Re re, fa e sa lele, mosimane o ka itse jang gore, Tsalefatshe, morwa Diabapalwa,  ga e ise e gangwe, kana, o tlhotse e sa amusa? Go itse tseo, ke gore e lele, e ikuele. Go utlwa e lela ke gone mosimane a tswe, a fete a e neele namane e...

  • Wena o le bona jang?

    Jaanong re itse gore fatshe leno ke la temo thuo; la balemi-barui. Ka ga di sise ka go tshwana, bangwe balemi-barui ba gatele pele, ba tswelele sentle, ba bangwe bone ba salele morago. Go bona go ntse jaana, go nne le megopolo e e farologanyeng ya go...

  • E ntse ke leo

    O tlhokana le go thusiwa mme o sa kope ope go go thusa, o bo o ka kgona  jang? Go nne thata. E re gongwe le fa o ne o ka kgona, o kgone o imetswe. Mme a se ke a felele fela ka kgomo Motswana. A nne a fetele pele a loise Setswana a re,...

  • Ga re e nngwe e letse nageng galaletse

    Bangwe,  jaaka Motswana a tle a bue, ba gare ga dithota le dipowa. Go twe, bao ba kgakala le ditlamelo le ditirelo mme go di bona  ke gore ba di late kwa di leng teng. Mo go bangwe, mosepele o nne moleele mme ba imelwe. Go bona seemo sa go...

  • Ga re galaletse

    Mangwe re a tle re bue ka one mme ka ga re a tshwanela go tlola molelwane ole, mangwe a salele morago. A saletse jalo, go batle gore nako nngwe re a boele re fete ka one. Se, ke se se neng sa direga maloba ka kgang ele ya rona e e neng e itshegeditse...

  • Ga se a a supang

    Go ya  ka polelo, tiro e, e ne ya tshwarwa ka kgwedi ya Hirikgong monongwaga go le mafelo a beke. Mme fa re ntse re tsenya polelo ele matlho, re bala malatsi, re bona tiro e ne e tshwerwe ka Matlhatso Hirikgong a le masome a mabedi le botlhano....

  • A leemedi leo le kopane

    E a gangwa e tlatse dikgamelo mme e sale e ntse e rwele thele. Go bona e ntse jalo, e neelwe namane, namane e rokotse mme kgomo eo e bowe e gangwe, e gamiwe, gape. Kgotsa fa e amusa legwere, mosimane a tseye mokao, a e kaye, ba bangwe ba re a e...

arrow up