A e se re tia

Fa seolo  se a tle se nye, se tswe mabowa, ga go re e re o se bona o fete fela.

Ga re o eme, o okomele, o bone gore o ka sela eng mo go sone. O okomele mme o a fitlhele. O tseye o fetelele pele. Fa o goroga  kwa gae o a tshotse, Setswana se re o tswa go itaya, o tla o iteile, mabowa. Se sa reye go itaya ka thupa, se raya gore o tla o a bapetse, o tswa go a bapala. O nne fatshe le ba bangwe le fore mala, kana, le tlhatswe legano.

Re ne ra feta ka sone seolo sa rona, ra se okomela, mme le re neng ra le itaya lebowa, ya nna polelo ke ele, e bolela fa e ne ya re  ka Hirikgong monongwaga, mopalamente wa Mahalapye Bophirima, Rre David Tshere, a tshwara phuthego ya kgotla le banni ba kgotla ya Madiba. Go bonala mopalamente Tshere a tshwenyegile thata ka seemo sa borukutlhi mo Mahalapye mme a ne a tshwara phuthego go lekodisanya le banni ba, morafe wa kgotla ya Madiba, ka seemo se. Fa re ntse re tsentse polelo ele matlho le megopolo re bona gore, lefoko la ntlha la ga mopalamente, e ne  ya nna go kopa morafe wa Madiba go kopanela go lwantsha borukutlhi. E tshwaraganetswe tiro, e nna motlhofo fela jaaka Motswana a lemogile gore, ‘Phokoje wa ntsa pedi ga a thata.’

Editor's Comment
Human rights are sacred

It highlights the need to protect rights such as access to clean water, education, healthcare and freedom of expression.President Duma Boko, rightly honours past interventions from securing a dignified burial for Gaoberekwe Pitseng in the CKGR to promoting linguistic inclusion. Yet, they also expose a critical truth, that a nation cannot sustainably protect its people through ad hoc acts of compassion alone.It is time for both government and the...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up