Ga se lefoko le le lengwe
Friday, July 10, 2020
Jaanong, e tlaa re tsatsi jeno le rona re ikgate motlhala, re boelele polelo ele ya phuthego ya Madiba. Re ne ra utlwa fa phuthego eo, e ne e tshwerwe ke mopalamente wa Mahalapye Bophirima, Rre David Tshere. Ga bonala fa mopalamente a tshwenyegiie thata ka seemo sa borukutlhi mo Mahalapye mme a biditse phuthego go tla go lekodisanya le morafe wa, banni ba, kgotla ya Mabiba ka seemo seo. Polelo ya supa fa lengwe lefoko legolo la mopalamente e ne ya nna gore Mahalapye o itsege thata ka bogodu mme seo, se busetsa motse kwa morago ka bagwebi ba Mahalapye ga ba kgone go tsalana, go aga botsala, le bagwebi ba dikgaolo tse dingwe. Re nne re re. o ka thibelela jang gare ga naga e tletse dibatana?
O a siya, o lekele pele, o tshaba go felelwa ke loruo. Re tlatse mopalamente re re, a borukutlhi jo, bo emelwe ka dinao, bo lwantshiwe, motse o agege, o tswelele pele fela jaaka metse e mengwe. E se re go buiwa ka Mahalapye, kgang ya nna gore koo, ga se bonno, boetelo.
“Justice should not only be done, but should manifestly and undoubtedly be seen to be done.”-Lord HewartHis decision was the correct one.The move neither proves guilt nor settles the serious allegations that have brought him to the doorstep of the Regional Magistrate’s Court.It does, however, recognise a basic principle of accountable government, that a minister facing criminal charges should not remain in a position that could create even...