A di goroge tsotlhe
Friday, June 26, 2020
Go tlhamalatsa mafoko re re, re tlaa bowa re bue ka polelo ele, e ka yone re neng ra utlwa gore e ne ya re ka kgwedi ya Hirkgong monongwaga mopalamente, Rre Aubrey Lesaso, a tshwara diphuthego tsa kgotla kwa Shoshong, Tobela, le Bonwapitse a otlhe e le mafelo a kgaolo ya gagwe. Gape, ra utlwa gore, gone ka nako eo, mopalamene a solofetsa fa a tlaa goga kgaolo, a sa e goge ka kgole, a e etelela pele, ka therisanyo, tirisanyo mmogo, le poifo Modimo. A, e nne mafoko a mantle, bogolo jang fa motho a supa gore o tlaa dira tiro ya gagwe a boifa Modimo; ke gore, a tshaba go dira dilo tse e seng tsone, tse di maswe. Lefoko la Modimo le re, ‘Go boifa Jehofa ke tshimologo ya kitso, mme masilo a nyatsa botlhale le thuto.’ (Diane 1:7) E le la mmotlana re re, a mafoko a, a se fete le phefo; a a tlhwaelwe tsebe. A merafe yotlhe le ditshaba tsotlhe, sika lotlhe loo motho lo dire ditiro tsotlhe ka go boifa Jehofa, lefatshe le tshele ka kagiso, botshelo bo rune.
Ba a tle ba re tsela ga e monate go e tsamaya o le nosi. Ba re, go nna monate ke gore o bone mongwe a go thuse mosepele. Jaanong, gone maloba, re ne ra utlwa gore mopalamente o ne a supa fa kgaolo e saletse morago mo ditlhabololong jaaka ditlamelo tsa botsogo le tshireletsego. Gone fa, a kopa morafe gore o eme ka dinao, o itsolopanye, o lekele go tlhabolola metse ya kgaolo. Re raya ba Shoshong botlhe, e seng ba motse fela, re re, a ba eme ka dinao, ba gogele pele, kgaolo e tswelele, e bonale e tshela. Bangwe ba bue ka puo, teme, ya bone mme fa o reeditse sentle o utlwe gore fa ba ne ba tlhamaletse, ba bua Setswana, ba ne ba tlaa bo ba re ‘Mhata molelo o o hatela mpeng ya gagwe.’ Ke gore bontle bo a itirelwa. Nako nngwe go twe monate o a itirelwa. Re tlatse mopalamente, Rre Lesaso, re re, a go nne jalo ba Shoshong ba hatele molelo mpeng ya kgaolo.
The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...