Ga re e nngwe e letse nageng galaletse
Friday, March 20, 2020
Bangwe, jaaka Motswana a tle a bue, ba gare ga dithota le dipowa. Go twe, bao ba kgakala le ditlamelo le ditirelo mme go di bona ke gore ba di late kwa di leng teng. Mo go bangwe, mosepele o nne moleele mme ba imelwe. Go bona seemo sa go nna jaana, puso ya tla ka mogopolo wa gore, motlha mongwe, kgang ya gore molwetsi o lata ngaka, e beelwe fa thoko, ngaka ke yone e late molwetse. Go bo go raya gore, go na le gore ka nako tsotlhe batho ke bone ba late ditirelo kwa di leng teng, a ka nako tse dingwe ditirelo tseo ke tsone di late batho. Moono e nne gore mme e seng fela ba ba kgakala, le ba ba gaufi ba direlwe jalo.
Go diragatsa mogopolo o wa go isetsa batho ditirelo, go utlwala fa e ne ya re ka kgwedi ya Hirikgong, ga bolola letsholo lengwe go ya Dimajwe kwa Tswapong go isa ditirelo dingwe koo. Go ya ka polelo e e rileng re ntse re anapa ra e sela, letsholo leo, e ne e le la maphata a puso a a farologanyeng le eteletswe pele ke la badiredi ba la ga Molaodi go tswa mo Serowe. Polelo e kaya fa letsholo le ne la tsaya letsatsi lotlhe koo le thusa batho. Ga nna monate ka ngaka ke yone e neng ya gokela setlhako ya lata molwetse.
It highlights the need to protect rights such as access to clean water, education, healthcare and freedom of expression.President Duma Boko, rightly honours past interventions from securing a dignified burial for Gaoberekwe Pitseng in the CKGR to promoting linguistic inclusion. Yet, they also expose a critical truth, that a nation cannot sustainably protect its people through ad hoc acts of compassion alone.It is time for both government and the...