A lebogwa a dirile eng?
Friday, July 17, 2020
Re setse re kile ra kopana le dipolelo dingwe tse di neng tsa kaya fa mangwe mapalamente a ne a tshwara diphuthego tseo. Mme gompieno re ne ra kopana le polelo nngwe ke eo, e supa gore e ne ya re ka yone kgwedi eo, ngwagatlola, mopalamente wa Takatokwane Rre Friction Leuwe, a ne a tshwara phuthego ya kgotla kwa Salajwe.
Ka fatshe leno le namile, le atlhame, mme mafelo mangwe ga re a itse, gongwe bangwe ba bo ba ka botsa gore yone metse eo, e kae, e ntlha efe ya Botswana. Karabo e re, metse eo, Takatokwane le Salajwe, ke mengwe ya metse ya Kweneng Bophirima. A jaanong re re, o etela koo mme ga o itse tota kwa o go yang. Re re, tsena ka motse wa Letlhakeng o botse mme ba tlaa go baya tsela. Tsela nngwe e tlaa tswa, e lebe Bophirima mme e go gogele Takatokwane. E nngwe e tlaa tswa, e lebe bokone, eo e go gogela Salajwe. O sena go kaelwa tsela, o e wetse, o tlhwaafale o letse mpheetshane e seng jalo, le tlaa go siya.
It highlights the need to protect rights such as access to clean water, education, healthcare and freedom of expression.President Duma Boko, rightly honours past interventions from securing a dignified burial for Gaoberekwe Pitseng in the CKGR to promoting linguistic inclusion. Yet, they also expose a critical truth, that a nation cannot sustainably protect its people through ad hoc acts of compassion alone.It is time for both government and the...