A e tsene ka ntlha tsotlhe
Friday, June 19, 2020
Mme le gale, a re re, fa phokoje ene a a tle a bo a seselela go senya, a jela barui dipodi, a nwela balemi magapu, rona re a bo re sa seselele tseo; re a bo re seselela tse bangwe ba reng ba di rata thata.
Fa re ntse re sesela jalo, ra kopana le polelo ke ele, e supa fa e ne ya re monongwaga ka kgwedi ya Hirikgong, mopalamente Rre Aubrey Lesaso a tshwara diphuthego tsa kgotla kwa Shoshong, Tobela, le Bonwapitse e yotlhe e le metse ya kgaolo ya gagwe. Go utlwala gore gone koo, mafoko magolo a gagwe ya nna gore o tlaa etelela merafe ya metse eo pele ka therisanyo, tirisanyo mmogo, le poifo Modimo. Re re, a go nne jalo, mopalamente a gate sentle, morafe le one o tle o mo sale morago o gata go bonala ka tlhako ya pele e bulela ya morago tsela. Re utlwa gore, mopalamente Rre Lesaso, a se ka a iteba a le nosi, mme a leba le banni ba kgaolo a ba kopa go beela fa thoko dipharologanyo tsa bone tsa sepolotiki mme ba lekele go tlhabolola metse ya bone. Re nne re tlatse re re, a morafe o tshwaragane, o goge ka kgole e le nngwe ditiro tsa metse di tle di tswelele pele, le bone ba bolelwe ka ditiro tse dintle. A supa fa kgaolo e saletse morago mo ditlhabolong dingwe jaaka ditlamelo tsa botsogo le tshireletsego mme go di kgona e le gore morafe o tshwaragane; o nne bana ba tshipa jaaka Setswana se kgothatsa.
That sounds like good news. But the report also warns that this may simply be because our digital economy is still young, not because we are safe. As more people shop, bank and pay online, criminals will follow.We Batswana do not need a report to tell us that danger is real. Many of us have heard of or fallen victim to KYC scams. A caller impersonates your bank or mobile money provider. They say they need to “verify” your account. They ask...