Motsosa o tla berekela LETSWAPO-Makgato

Mopalamente Makgato
Mopalamente Makgato

MACHANENG: Mopalamente wa kgaolo ya Sefhare-Ramokgonami, Dorcas Makgato a re lenaneo la go tsosolosa itsholelo (ESP) le tla godisa ditlhabololo tsa kgaolo ya gagwe.

Makgato o boletse se ka Matlhatso kwa motseng wa Machaneng, kwa tshimolodisong ya lenaneo la ESP, a re lenaneo le letla thusa gape go agela badirelapuso ba kgaolo ya gagwe matlo a bonno a le masome a mabedi le botlhano (25).

“Ditiro tsa thulaganyo e e faphegileng e, di mo pontsheng ka jaana ditla direla bontsi ditiro. Banana ba metse ya rona ba ba ntseng ba nna fela kwa malwapeng basa dire gope, batla bona ditiro tsa nakwana,” Makgato a rialo, a bolela gape fa dikompone tse di ntseng di le teng mo kgaolong mme di sa bone ditiro gope, le tsone di tla roba sengwe. O kgothaditse bookamedi jwa tsone go tlhokomela bodiredi jo bo ntsi eleng banana.

Editor's Comment
Closure as pain lingers

March 28 will go down as a day that Batswana will never forget because of the accident that occurred near Mmamatlakala in Limpopo, South Africa. The tragedy affected not only the grieving families but the nation at large. Batswana throughout the process stood behind the grieving families and the governments of Botswana and South Africa need much more than a pat on the back.Last Saturday was a day when family members said their last goodbyes to...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up