Monate wa dijo o fetoga dithupa

No Image

Dijo dingwe go lebega di tshotse tatso e e monate thata, mo bangwe ba sa kgoneng gotlhelele go itshwara fa ba setse ba di eleditse, mme ba iphitlhele ba setse ba le mo molatong wa go di ipha ka boferefere beng ba sa ba bone.

Letsatsi le a bo le ne le tlhabile, serame sone e le se sa Mariga, ba ba senang ditiro ba bo ba arametse marang a letsatsi, fela kwa kgotleng la Setswana la Urban mo Gaborone, Naledi ya fitlhela tiro ya letsatsi le letsatsi e tsweletse. Dikgosi tsa koo Kgosi Charles Koitsiwe le Patricia Radipati ba bo ba tshwere phage ka mangana go rarabolola dikgang tse di fa pele ga bone ka go farologana ga tsone, dingwe e le tse di tlogelang lekgotla le hupetse ka ditshego.

Nngwe ya ditsheko tse, ya bo e le ya mosekisiwa Oarabile Letsholo wa dingwaga tse 35, a tlholega kwa Sefhare, mo kgotlaneng ya Smorden, e mo go yone a neng a sekela molato wa go utswa nekere(chocolate)ya Cardbury e e natifisitsweng ka motswako wa lebebe la mashi go e neela tatso e e tswang ka ditsebe

Editor's Comment
Human rights are sacred

It highlights the need to protect rights such as access to clean water, education, healthcare and freedom of expression.President Duma Boko, rightly honours past interventions from securing a dignified burial for Gaoberekwe Pitseng in the CKGR to promoting linguistic inclusion. Yet, they also expose a critical truth, that a nation cannot sustainably protect its people through ad hoc acts of compassion alone.It is time for both government and the...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up