Barati le balatedi ba ditlhopha ka go farologana ba letile beke ya botlhano ya liki ya be MOBILE ka mewa le dipelo tse di farologaneng jaaka bangwe ba eletsa gore ditlhopha tsa bone di tle di tswelele le bontle jo di setseng di bo dirile, bogolo jang ba Gunners e e leng yone e kokoretseng loko kwa setlhoeng morago ga go fenya metshameko ya yone yotlhe e mene.
Setlhopha se sa ga mokatisi Keitumetse Pio Paul se simolotse liki ya monongwaga ka lebelo le go e tsaya ka setsokotsane ka go fenya ditlhopha tse dingwe, go akaretsa le mokaloba Gaborone United tota. Se jaanong se dira gore barati le balatedi ba setlhopha se e nne bone ba buelang kwa godimo ka boitumelo, fa bangwe bone ba bua fela ba iname ka ditlhopha tsa bone di santse di apaapa tsela. Kwa Serowe le gone go santse go le monate thata jaaka setlhopha sa koo se se magorogomasha mo liking e ya be MOBILE, Green Lovers, se kgonne go fenya metshameko mengwe go kgobokanya dintlha go wetsa dibeke tse nne se le mo maemong a a botoka mo lokong. Se se dira gore ditlhopha tse dingwe tsa kwa kgaolong e jaaka Motlakase, FC Satmos, Nico, Miscellaneous di nne mo kgatelelong e e seng kana ka sepe ka di patelesega go itshwarelela mo liking ya monongwaga.