Matlhotlhapelo a go kgweetsa botlhaswa

Le diterekere di mo teng! SENEPE: TEICHILER RANKOA
Le diterekere di mo teng! SENEPE: TEICHILER RANKOA

Dikotsi tsa tsela di tsweletse ka go diragala ka dipalo tse di garolang pelo, mme ebile tse dintsi mo go tsone di tsweletse ka go gapa matshelo a le mantsi go gaisa dingwaga tse di ntseng di feta, se jaanong se tlogela dikoloi tse di tlhwatlhwa kgolo, megobagoba le dibase di sala di sugakane morago ga go thulana letsatsi le letsatsi. Mmega-dikgang wa Naledi TEICHLER RANKOA a re go setse jaanong go lebega sentle gore Batswana ba tlwaela gore ga gona letsatsi le le fetang go sena kotsi gope, ga gona letsatsi le le fetang go sena loso gope, mme se e le ka ntlha ya go sa obameleng matshwao a tsela, le go kgweetsa ka lebelo le le feteletseng ke bakgweetsi bangwe. Monongwaga tsela ya A1 e setse e gapile matshelo a le mantsi fela thata.

Pele ga lefatshe la Botswana le simolola go nna le mefuta e mentsi ya dikoloi, ebile tse di lebelo la setsokotsane, dikotsi tsa tsela di ne di se dintsi go le kalo, mme ebile dikotsi tse di neng di diragala e ne e se tse di masisi go le kalo, kgotsa le fa e le gone go gapa matshelo tota. Mabaka e e ne e le gore dikoloi tse di neng di amega mo dikotsing di ne di sa taboga mabelo ape a a garolang pelo, le fa e ne e le base e tletse batho, e ne e kgona go wa fela ntle le go gobatsa bapalami go le kalo.

Fa dingwaga di ntse di fetoga, ga goroga dikoloi ka go farologana ga mefuta ya tsone, bontsi e le tse di bokiwang ka mabelo a tsone, fela jalo le dibase ga goroga tse di mabelo, tse di dinaka, fa dingwe e le tsa matlhatlhaganyane. Lebelo la dibase tse, la utlwala le bokiwa thata ke Batswana, bogolo jang ba ba dikgweetsang, ba bolela gore fa di setse di palama ditsela tse ditona tsa boA1, ga gona koloi epe e e sa tsogang sentle e e ka di emang pele.

Editor's Comment
Human rights are sacred

It highlights the need to protect rights such as access to clean water, education, healthcare and freedom of expression.President Duma Boko, rightly honours past interventions from securing a dignified burial for Gaoberekwe Pitseng in the CKGR to promoting linguistic inclusion. Yet, they also expose a critical truth, that a nation cannot sustainably protect its people through ad hoc acts of compassion alone.It is time for both government and the...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up