Maraganateng a BMD
Wednesday, November 11, 2015
Modubule
Pele ga bokopano bogolo jwa BMD ka kgwedi ya Phukwi kwa Gantsi, go ne ga nna le dipuo tsa gore phathi e, e iphitlhela mo thankgeng ya seretse sa ngwaga wa leuba, jaaka go ne go tshwanetse go nne le maemo a komitikgolo a a neng a tshwanetswe go ya go lwelwa. Gareng ga maemo a, ya bo e le a bodulasetilo a a neng a lebagantse Nehemiah Modubule le Pius Mokgware, ba bobedi ba tsewang jaaka mekaloba ya polotiki ya kganetso.
Bangwe ba ne ba nganga ka gore tota ka Mokgware a le mo palamenteng ke eng a sa tlogele, Modubule a nna mo maemong a, fela bangwe ba re nnyaa, ga go a tshwanela go nne jalo ka gore Mokgware ka a le mo palamenteng go botlhokwa gore a bo a rwele le maemo a bodulasetilo. Dikgang tse tsa maemo a, tsa supa sentle fa makgamu a setse a bonala sentle mo BMD, mo le motho yo o kwa morakeng a kgonang go bona fela gore lebota la BMD le rantshegile. Fa dikgang le dintwa tsa maemo a komiti kgolo di ntse di taboga go ja naga pele ga phuthego kgolo, go ne ga tlhagoga dipuo tsa gore mongwe wa batlhami ba phathi e ya BMD, modulasetilo wa pele, ebile a kile a emela maemo a botautona jwa BMD, Sydney Pilane, o batla go boela mo phathing.
It highlights the need to protect rights such as access to clean water, education, healthcare and freedom of expression.President Duma Boko, rightly honours past interventions from securing a dignified burial for Gaoberekwe Pitseng in the CKGR to promoting linguistic inclusion. Yet, they also expose a critical truth, that a nation cannot sustainably protect its people through ad hoc acts of compassion alone.It is time for both government and the...