Mabole a Botswana a a fisa

Bo ramobole ba nkgisanya magwafa
Bo ramobole ba nkgisanya magwafa

Lekgotla la Botswana la mabole le tsweletse ka go tshegetsa dikgaisano tsa mabole mafelo a beke nngwe le nngwe, bogolo jang tse di tshegediwang ke ditlhopha ka go farologana, mme se se itumedisa bogogi thata ka di tswa maduo jaaka ditlhopha di tsweletse ka go dira sentle kgaisano nngwe le nngwe.

Go ya ka moanamisa mafoko wa lekgotla la BoBA, Kenney Maragana ditlhopha tsotlhe di setse di ititeile ka thupana gore di batla go dira sentle le go nna tsone megaka e e ka se tweng sepe ke ope fa di tsena mo kgaisanong.

A re kgaisano e e neng e tshwerwe ka mafelo a beke kwa Mmadikole kgotsa Unibesithi ya Botswana e ne e atlegile  ka e ne e le ya boleng jo bo kwa godimo fela thata, mo ebile batshameki bangwe ba neng ba supa fa ba gola sentle.

Editor's Comment
Human rights are sacred

It highlights the need to protect rights such as access to clean water, education, healthcare and freedom of expression.President Duma Boko, rightly honours past interventions from securing a dignified burial for Gaoberekwe Pitseng in the CKGR to promoting linguistic inclusion. Yet, they also expose a critical truth, that a nation cannot sustainably protect its people through ad hoc acts of compassion alone.It is time for both government and the...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up