Liki ya CELIAT e a thuthafala

Liki ya motshameko wa thenese BTTA e e rotloediwang ke kompone ya dikgophi ya CELIAT e ntse e thuthafalela pele jaaka batshameki ba yone ba lwa ka gotlhe mafelo a beke nngwe le nngwe go gwetlha bosimega jwa yone jwa monongwaga.

Metshameko yotlhe ea kgatlha ka go sena motshameki ope yoo batlang go salela morago ka mongwe le mongwe a itse gore Motswana a re ‘Phokoje wa morago dintsa di a mmona.’ Eleng seo go ka se nneng ope yo o ka batlang go salela morago mo kgaisanyong nngwe le nngwe.

Le fa batshameki ba lwa ka tlhwaafalo jaana, CELIAT yone e eme sentle ka dimpho tse ba eletsang go di neela bafenyi. Se ke sone tota se dirang gore metshameko e ebo e le thata jaana. Batshameki ba itse fa ditshimega di tlaa ya kwa magaeng ka meputso morago ga tiro e ntle ya bone. Go ya ka mogolwane wa BTTA,  Kudzanani Motswagole, liki ya monongwaga e mogote thata go gaisa ya ngogola. O boletse gore le fa e sa bolo go simolola jaana, ga go ise go nne bonolo go bona gore e ya go fenngwa ke mang. A re le bone ba e neng e le ditshimega ngogola, ba tsena mo tafoleng go thulana le batshameki ba ba ipaakantseng thata.

Editor's Comment
Human rights are sacred

It highlights the need to protect rights such as access to clean water, education, healthcare and freedom of expression.President Duma Boko, rightly honours past interventions from securing a dignified burial for Gaoberekwe Pitseng in the CKGR to promoting linguistic inclusion. Yet, they also expose a critical truth, that a nation cannot sustainably protect its people through ad hoc acts of compassion alone.It is time for both government and the...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up