Kgosiang �Loveboy� o bolokilwe

Kgosiang (No. 2) a le mo go mengwe ,etsah,eko ya liki fa sa le botshelong
Kgosiang (No. 2) a le mo go mengwe ,etsah,eko ya liki fa sa le botshelong

Matshwititshwiti a barati le balatedi ba kgwele ya dinao le Batswana ka kakaretso go tswa khutlong tsotlhe tsa Botswana, ba bo ba tshologetse phitlho ya motshameki wa pele wa setlhopha sa Dipitse le Prisons XI, Kabelo Loveboy Kgosiang, kwa motseng wa gagwe wa Tlokweng ka Matlhatso.

Loveboy jaaka Kgosiang a ne a itsege thata mo barati le balateding ba kgwele ya dinao go boletswe fa a tsholetswe kwa Tlokweng ka ngwaga ya 1973, kgwedi ya Lwetse e tlhola malatsi a le lesome le borobabongwe. Ke gone mo Tlokweng mo naledi e ya kgwele ya dinao e neng ya simolola go itshupa mebala fa a santse a le mmotlana, jaaka a ne a simolola go raga bolo a santse a le kwa sekoleng se sebotlana sa Botsalano.

Gone kwa Botsalano, dibui di boletse fa a ne a kgatlha bakatisi thata ka tshameko ya gagwe e e neng ele fa godimo ga ya balekane ba gagwe, le mo go ba bagolwane mo go ene. Ke yone tshameko e e neng ya dira gore e tswelele e mmonne phatlha kwa sekoleng se segolwane sa Matlala. Kwa a neng a ntse a tsweletse ka go tshameka mo setlhopheng sa sekole seo, e le monosa dinno.

Editor's Comment
Women unite for progress

It underscores the indispensable role women play in our society, particularly in building strong households and nurturing families. The recognition of women as the bedrock of our communities is not just a sentiment; it's a call to action for all women to stand together and support each other in their endeavours.The society's aim to instil essential principles and knowledge for national development is crucial. By providing a platform for...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up