Ipelegeng e tsositse kgaruru

LETLHAKANE: Khiro ya badiri ba lenaneo la Ipelegeng, e ne ya tsosa tlhatlharuane e e seng kana ka sepe mo bosheng kwa kgotlengkgolo ya motse wa Letlhakane, jaaka bontsi jwa batho ba ne ba shakgaletse tsamaiso ya khiro.

Babereki ba kgadile maloko a komiti ya ditlhabololo tsa motse ba re a tletse mowa o o maswe wa boferefere le tshenyetso  setshaba  ka ntlha ya go tsamaisa tiro eo ka tsela e e sokameng.

E ne e le semphete ke go fete ka letsatsi leo, matshwititshwiti a batho ba ne ba kokoanye  kwa kgotleng kgolo,  ba solofetse go thapiwa. Batho bao ba ba neng ba tsile go folela phiro  ya Ipelegeng ka palo, ba ne ba ka  feta sekete. Ya re fa go ntse go tsweletswe ka phiro jalo, maloko mangwe a dikomiti tse tharo tsa motse tsa VDC ba le  mo  teng ga lekotswana la kgotla ba tshwere buka ba bitsa maina a go tweng ke a ba ba thapiwang.Batho ka bontsi ba ne ba simolola go fela dipelo mme ga tsoga setsokotsane sa modumo wa dingongorego. Batho ba ne ba phuphura makgabana ka ntlha ya tshakgalo; ba tshosetsa go tsena mo teng ga lebotlana la kgotla ka dikgoka ka ba dumela gore ba ba neng ba filwe dithata tsa go thapa  ba  ne ba sa dire tiro sentle, ba ne ba thapa ditsala le ba masika a bone ka boferefere.

Editor's Comment
Human rights are sacred

It highlights the need to protect rights such as access to clean water, education, healthcare and freedom of expression.President Duma Boko, rightly honours past interventions from securing a dignified burial for Gaoberekwe Pitseng in the CKGR to promoting linguistic inclusion. Yet, they also expose a critical truth, that a nation cannot sustainably protect its people through ad hoc acts of compassion alone.It is time for both government and the...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up