Dikotsi tsa tsela di metsa bana � Mphephu

LETLHAKANE: Mookamela mapodisi a Letlhakane mo kgaolong potlana ya Boteti, Superintendent Michael Maphephu, o lela ka madi a tletse ganong ntateng ya se a se biditseng dikotsi tsa tsela tsa diphera tse di tlhasetseng motse oo mme di gapa matshelo a bana ba dikole.

Go thubathubega ga ga Maphephu go senogile  mo phuthegong kwa kgotlengkgolo ya Letlhakane bosheng a bolela ka pelo e e keleketlang kgodu e khibidu gore mo kgweding e e fetileng go nnile le dikotsi tsa tsela tse di masisi fa gare ga motse, tse di akaretsang e mo go yone mokgweetsi mongwe a neng a thula a bo a bolaya bana ba mosadi a le mongwe, ba e bile e neng e le baithuti ba sekole se sepotlana sa Letlhakane.

O tsweletse a lela ka gore mo kgweding eno e tlhola masome a mabedi le bongwe, go ne ga nna le kotsi e mo go yone go neng ga thulwa ngwana a bo a tlhokafala, a tlatsa ka gore ditiragalo tsa go nna jalo ga di a siama gotlhelele, ka di bakela batsadi go hupa manyaapelo.

Editor's Comment
Human rights are sacred

It highlights the need to protect rights such as access to clean water, education, healthcare and freedom of expression.President Duma Boko, rightly honours past interventions from securing a dignified burial for Gaoberekwe Pitseng in the CKGR to promoting linguistic inclusion. Yet, they also expose a critical truth, that a nation cannot sustainably protect its people through ad hoc acts of compassion alone.It is time for both government and the...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up