Captain Dira o golola � Mmaarona..

Kapetlana ya alebamo e ntsha
Kapetlana ya alebamo e ntsha

Moopedi wa mmino wa Setswana, mosakaso yo o tumileng thata ka Matalanyane, wa jaw a jelwa, Dickson Diratsagae Mahupela kgotsa Captain Dira mo mererong ya mmino o sa go golola o mongwe gape mogagamola wa Alebamo. E yone ga a ikopisa tlhogo ka go e batlela leina, ka a e biditse fela a re Mmaarona.

Alebamo e ya ga Captain Dira, ke ya botlhano mo nokeng ya gagwe, e latela tsa gagwe tsa ntlha eleng Matalanyane, Ke ise ke je ya dipina di akaretsa Mmantwa le Shangwari, Rraagwe Software volume I le Rraagwe Software volume 2 e e neng ya tuma thata ka pina e le ya Ke a ikepela. Dialebamo tse tsotlhe di na le dipina di robabobedi nngwe le nngwe.

Mmaarona le yone e na le dipina di robabobedi, go supa bokgoni jwa ga Captain Dira ja go akanya le go kwala, sengwe se a reng o santse a dumela fa e le sone se mo tshwereng mo mererong e ya mmino, a bolela fa dipina tsotlhe tse di tlhgisitswe le gone go kwalwa ke ene ka sebele. Alebamo e ya Mmaaarona e simolola fela ka pina ya ntlha eleng Lorato e e opelwang monate lentswe la ga Captain Dira le utlwala sentle, a bolela fa dikgomo di siile ka marole maloba, a re kgarebe maru a se nang tladi malematsa, ga se gore ga ke go bone gore o dira eng. Pina e e bua fela ka lorato le le neng le tiile, jaanong le senngwa ke boaka.

Editor's Comment
Closure as pain lingers

March 28 will go down as a day that Batswana will never forget because of the accident that occurred near Mmamatlakala in Limpopo, South Africa. The tragedy affected not only the grieving families but the nation at large. Batswana throughout the process stood behind the grieving families and the governments of Botswana and South Africa need much more than a pat on the back.Last Saturday was a day when family members said their last goodbyes to...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up