Batlokwa ba koba basadi mo malwapeng

Dintwa tsa boswa di tswa kgakala di apere malwapa ka bontsi mo merafeng ka go farologana. Mme jaanong dintwa tse di gakatswa thata ke go palelwa ke go di rarabolola ga magosana a go bolelwang fa a tsaya letlhakore nako e ntsi fa ba reeditse dikgang tse. Mmegadikgang wa Naledi TEICHLER RANKOA a re dintwa tse tsa boswa di dintsi thata kwa Tlokweng kwa bana ba motho ba nnang fela ba remana ka dilepe fa pele ga makgotla a ditsheko go lwelwa boswa jwa batsadi ba bone fa ba sena go tlhokafala. Madimabe e nne gore magosana mangwe a Batlokwa gantsi a tsaya letlhakore la banna kgatlhanong le bokgaitsadiabone.

Morafe wa Batlokwa bogolo jang basadi o lela selelo se se botlhoko se ba reng magosana mangwe a bone a a rekwa fa ba tshwanetse go reetsa le go letlanya bana ba motho fa ba kgaolana ditlhogo mo dintweng tsa boswa jwa batsadi ba bone.

Bangwe ba Basadi ba, ba boleletse Naledi fa ba utlwa botlhoko thata go bona ka fa magosana a, a tsamaisang dikgang tsa boswa ka teng. Ba re gantsi magosana a, a dumalana fela le banna, mme ba kgaphele basadi kgakala.

Editor's Comment
Closure as pain lingers

March 28 will go down as a day that Batswana will never forget because of the accident that occurred near Mmamatlakala in Limpopo, South Africa. The tragedy affected not only the grieving families but the nation at large. Batswana throughout the process stood behind the grieving families and the governments of Botswana and South Africa need much more than a pat on the back.Last Saturday was a day when family members said their last goodbyes to...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up