Basetsana ba kirikete ba tshamekile � Ramakrish

No Image

Mogolwane wa lekgotla la motshameko wa kirikete la Btswana (BCA), Girish Ramakrishna, a re setlhopha sa kirikete sa basetsana ba dingwaga tse di kwa tlase ga lesome le borobabongwe se dirile sentle le ntswa se bone maemo a boraro. A re setlhopha sa Zimbabwe se eleng sone ditshimega tsa kgaisano e, ke sengwe sa ditlhopha tsa kirikete tse di thata go gaisa.

Ramakrishna o boletse gore kgaisano e ya mafatshe a mane, eleng la Zimbabwe, Botswana, Namibia le Mozambique e dirisiwa gantsi go itlhokoletsa dikgaisano tsa mafatshe tse ditona, eleng seo go leng botlhokwa thata lefatshe la Botswana le nne le nna le seabe mo go yone. O ne a gatelela gore ke yone kgaisano e e mashetla go ka ba thusa go ikatisa le go bona batshameki ba ba popota ka e na le mafatshe a a itseng kirikete ebile  a le mashetla thata jaaka Zimbabwe le Namibia.

Fa a bua ka setlhopha se se neng se tshameka sa basetsana, Ramakrishna o boletse fa se tshamekile sentle, le fa gone maikaelelo a sone a go gapa bosimega a ile a folotsa, ese ka go bo ba sa itse se ba se dirang, mme e le gore ba ne ba thulane le bommantswitswidi ba kirikete mo kgaolong ya Aferika.

Editor's Comment
Human rights are sacred

It highlights the need to protect rights such as access to clean water, education, healthcare and freedom of expression.President Duma Boko, rightly honours past interventions from securing a dignified burial for Gaoberekwe Pitseng in the CKGR to promoting linguistic inclusion. Yet, they also expose a critical truth, that a nation cannot sustainably protect its people through ad hoc acts of compassion alone.It is time for both government and the...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up