Ba lelela Tshipo

LETLHAKANE: E re ka gotwe le pelong ga le tshetse, batsadi ba bana ba bone e leng baithuti kwa sekoleng se sepotlana sa Letlhakane mo Boteti, ba re ba eletsa gore mogokgo wa sekole seo wa pele, Jacob Tshipo, a busediwe kwa go sone.

Tshipo ya ka nako eno a fuduseditsweng kwa sekoleng sengwe kwa Palapye, go kaiwa a ne a le tlhaga e bile a naya sekole sa Letlhakane seriti, tota le maduo a sone a le a maemo a kwa godimo thata, fa a se eteletse pele.

Go lelela mogokgo ga batsadi, go senogile beke e e fetileng fa Naledi ene e botsolotsa batsadi ka merero ya sekolo seo mo bogompienong. Matshwenyego a ne lebega a kalakanya matlho a batsadi jaaka ditlhatlhobo tsa makgaolakgang a lokwalo lwa bosupa a tloga a kwalwa. Batsadi ba ne ba bolelela Naledi fa ba simolola go gakologelwa rre Tshipo. 

Editor's Comment
Human rights are sacred

It highlights the need to protect rights such as access to clean water, education, healthcare and freedom of expression.President Duma Boko, rightly honours past interventions from securing a dignified burial for Gaoberekwe Pitseng in the CKGR to promoting linguistic inclusion. Yet, they also expose a critical truth, that a nation cannot sustainably protect its people through ad hoc acts of compassion alone.It is time for both government and the...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up