Mabogo �.. a a thebana
Wednesday, February 03, 2016
A re fa botshelo bo le thata, motho o tshwanetse go batla tsela nngwe ya go bo tlhabantsha. Sengwe se se ka re kaelang nnete ya seane se, ke metshelo e Batswana ba e dirang. Gantsi batho ba a tle ba iphitlhele ba se na madi a go dira tsotlhe tse ba di eletsang. Potso e nne gore, seemo se ntse jaana, motho o ka dira jang, leano o ka loga lefe go itsweledisa pele? Karabo e nne gone gore, a botshelo ga a site, go sita a loso.
Ka ke ao ga a site, bangwe ba tle ka mogopolo wa motshelo. Jaaka re itse, motshelo ke mogopolo o e leng gore ka one, batho ba a ikopanya, ba thusanye, mme ba re ba a tshedisanya; ba re ba dirile motshelo. Gantsi motshelo o dirwa ka madi. Batho ba a ipope mokgatlho. Mongwe mokgatlho o bidiwe leina lengwe, o mongwe e nne motshelo fela o se na lepe leina. Mme fela batho ba dumalane gore ba ntshe madi mangwe, e le one a ba thusanyang, ba tshedisanyang ka one. Bangwe ba dumalane gore madi ao, a bewe go tlaa a adimiwa ba ba tlaa bong ba batla go adima mme ba a buse a na le morokotso; a tsetse. E, e nne yone tsela ya go oketsa madi a maloko a thaileng motshelo ka one. Fa ngwaga o fela, madi otlhe a phuthiwe, a kgaoganngwe. Mme fa dilo di tsamaile sentle, maloko a bone sengwe se se itumedisang.
That sounds like good news. But the report also warns that this may simply be because our digital economy is still young, not because we are safe. As more people shop, bank and pay online, criminals will follow.We Batswana do not need a report to tell us that danger is real. Many of us have heard of or fallen victim to KYC scams. A caller impersonates your bank or mobile money provider. They say they need to “verify” your account. They ask...