Legoelela ke eng?
Friday, March 09, 2018
Ngwaga ono, jaaka re bonye, pula e ne ya ganana. Motswana a lelala a bo a lapa molala, ya se ka ya na. Bangwe ba tlaa re, ya kalela. Le fa go ntse jalo, mo mafelong mangwe ya utlwalelwa fa e ntse e gaola, mme tota e se ya go lema jaaka batho ba ne ba eleditse, e le e e senyang. E tsene, e rutlolole matlo, mangwe e a dige.
Go utlwala fa motse mongwe o o neng wa bona tiragalo ya go nna jalo, e le wa Struizendam kwa Kgalagadi Borwa. Ka fa go begwang ka teng, pula e ne ya feta ka motse o, kgwedi ya Hirikgong e le masome mabedi le bobedi. Go bolelwa fa pula e, e ne ya tla ka phefo e e bogale, e bile e na ka sefako, mme ya senya fela thata kwa sekoleng le kwa motseng. Ga twe kwa sekoleng, e ne ya rutlolola matlo mangwe a borutelo, ya ba ya diga le matlhabaphefo, a bangwe ba reng ke diokomela bagwe. Kwa motseng le gone fela jalo ya rutlolola leobo la kgotla le matlo a batho bangwe.
Whilst celebrating milestones in inclusivity, with notably P5 billion awarded to vulnerable groups, the report sounds a 'siren' on a dangerous and growing trend: the ballooning use of micro-procurement. That this method, designed for small-scale, efficient purchases, now accounts for a staggering 25% (P8 billion) of total procurement value is not a sign of agility, but a 'red flag'. The PPRA’s warning is unequivocal and must be...