Ke ofe yo o tlhaelang?
Wednesday, September 16, 2015
Fa di ntse di bo tsaya jalo, ke Thulare le ene a ya le leretlwa, a a ja moretlwa, ka le one o ne o se kana ka sepe. Nnyaa, a tlhola a iketlile e bile e kete ga a disa. Fa a sena go nna a ja fale, le fale, a utlwa e kete letsapanyana le tlaa mo tlela. A bona monato o o moriti monate ke ole a ikhutsa fa go one. Le fa di ne di sa hulele gope kgakala, tsone le tsone ka nako e, di ne di setse di ngotlile mosepele, dingwe di bile di bothile. Fa a utlwa gore jaanong letsapa lele le dule, a kgalema, a itaya molodi. Tsa bo di setse di mo utlwile. Tsa tswa tsa leba mogobe wa Dikhujwana, e kubakuba kwa pele ga tsone kgomo e tshetlhana Gogalepai.
Ka le one o ne o se gope kgakala, go ise go e kae, ke di gorogile koo. Le one tsa a tabola, dingwe e kete le go boa ga di na go tlhola di a boela gape. Fa di tlhatloga tsa boa tsa ikgata motlhala, tsa feta ka poana, tsa ralala lenato. Fa di fologela ka kwa, ke di goroga mo morakeng. Ba tla basimane, ya feta ya lela kgamelo. Fela jaaka Motswana a rile e sisa e hudile, dikgamelo tsa phophoma, di sa sisa di a rwele mashi. Ya bo e ntse e le teng kgomo e e mashi a monate Bengbatsone. Ya di tshela dikgamelo mme ya sala e ntse e a rwele. A o ka e lesa Thulare? Fa a sena go gama, a neela namane gore e rokotse mme ga tloga ga anywa ene. Fa di sena go ata, tsa bolola go ya go bo tsaya gape pele ga le phirima.
It highlights the need to protect rights such as access to clean water, education, healthcare and freedom of expression.President Duma Boko, rightly honours past interventions from securing a dignified burial for Gaoberekwe Pitseng in the CKGR to promoting linguistic inclusion. Yet, they also expose a critical truth, that a nation cannot sustainably protect its people through ad hoc acts of compassion alone.It is time for both government and the...