Go kwadilwe jalo ke lesupi
Friday, August 28, 2020
Re ne ra utlwa gore gone koo, ba Serorome ba tla ka dilelo tsa bone, ba itekodisa mopalamente. Ga twe ba ne ba lela ka seemo se se maswe sa ditsela tsa kgaolo ya bone. Ga bonala fa ditsela tse, e se tsone sentle, di sa agega, mme e re ka nako ya pula di tlale metsi. Go ya ka polelo, metsi ao, a elele, a tsene mo malwapeng mme malwapa a fetoge merwalela batho ba palelwe ke go dira ditiro tsa bone. Re dumalane gore, se, e se ke e nne seemo se se monate. E re batho ba ka bo ba itumelela pula, ba lelele gore e ba diela ditiro.
Go sale foo, morafe wa supa fa o tlhobaela ka botsogo jwa badiri ba khampane ya Makoro Bricks ka e lorole lo lontsi. Gone fa, morafe wa kopa gore mopalamente le makhanselara ba etele Makoro Bricks go ya go bona gore a e sala morago ditshetlana tsa tshireletsego ya badiri ba yone.
“Justice should not only be done, but should manifestly and undoubtedly be seen to be done.”-Lord HewartHis decision was the correct one.The move neither proves guilt nor settles the serious allegations that have brought him to the doorstep of the Regional Magistrate’s Court.It does, however, recognise a basic principle of accountable government, that a minister facing criminal charges should not remain in a position that could create even...