Go a nametsa

Go bonala fa lebogo la bopelotlhomogi le ntse le tsweletse le otlologa. Gompieno re utlwa fa baithuti bangwe ba sekole se sebotlana sa Molapowabojang ba abetswe mesangwana.

Ka palo, bana ba go bolelwa e le basetsana ba le masome mabedi. Gongwe bangwe ba ka tsaya gore mesangwana e, go buiwa ka mesamo e re bayang ditlhogo mo go yone fa re robala, re e sama. Nnyaa, ga se eo. E, go buiwa ka mesangwana e e faphegileng, e basetsana ba e dirisang ka malatsi a setswalo, kgotsa, jaaka go tle go buiwe, ba bonye kgwedi.

Mme kgwedi e le yone go sa rewe kgwedi e e kwa godimo, e e a reng e palama, Setswana gape se re e rogwa, re e duduetse re re, ‘Kgwedi o ntlele botshelo’ e le thapelo ya gore, ka ke kgwedi e ntsha, mo go yone dilo di re siamele, di re tsamaele sentle. Re re, e go buiwang ka yone fa, ke ya fa mmele wa sesadi o tsogile sentle ka jaana setswalo seo, se bonwa kgwedi le kgwedi.

Editor's Comment
Human rights are sacred

It highlights the need to protect rights such as access to clean water, education, healthcare and freedom of expression.President Duma Boko, rightly honours past interventions from securing a dignified burial for Gaoberekwe Pitseng in the CKGR to promoting linguistic inclusion. Yet, they also expose a critical truth, that a nation cannot sustainably protect its people through ad hoc acts of compassion alone.It is time for both government and the...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up