Ga re bue ka noga
Friday, February 07, 2020
A jaanong re re, polelo ele ya maloba ya bana ba sekole sa Molapowabojang, e ne e le mogopo re e ja mo go one mme ra se ka ra fetsa. Ka ke foo ga re a ka ra fetsa, a tsatsi jeno re boele mogopo oo, go o gora,
Go simolola go gora, re boele fa morago fale re re, nako ele, re ne ra utlwa fa bana ba le masome mabedi ba ne ba thusiwa ke mokgatlho wa The Chosen Pads Foundation ka mesangwana. Re re, mme gongwe bangwe ba sa ntse ba ka botsa gore mesangwana e, ke efe, e ntse jang, Go ya ka polelo ele, mesangwana e, ke e e faphegileng, ya basetsana ka malatsi a fa ba bonye setswalo, kana, jaaka gape Setswana se tle se bue, fa ba bonye kgwedi. Gone maloba, ra fetela pele ra tlhalosa gore e kgwedi, ga go buiwe ka e e mo loaping e e reng e le la ntlha e bonwa, e ise e nne kgolokwe jaaka e a re morago e nne, Motswana a re e a palama. E re go e bona e palama re e duduetse re re, ‘Kgwedi o ntlele botshelo’ fela jaaka e a re dingwaga di kgaogana, ole o feta, o mosha o tsena, re re , Ngwaga o sa nthateng feta.’ Se, e le keletso ya gore, a tsotlhe tse di maswe tsa ngwaga ole, di fete le one, o mosha o re tlele ka tse di monate.
It highlights the need to protect rights such as access to clean water, education, healthcare and freedom of expression.President Duma Boko, rightly honours past interventions from securing a dignified burial for Gaoberekwe Pitseng in the CKGR to promoting linguistic inclusion. Yet, they also expose a critical truth, that a nation cannot sustainably protect its people through ad hoc acts of compassion alone.It is time for both government and the...