A re nne re ele tlhaka eo tlhoko (2)

E tlaa re gompieno re ikgate motlhala, re bue ka polelo ele ya go ipelela letsatsi la dithuto tsa Gaegolelwe le re neng ra utlwa fa le ne la tshwarelwa kwa Kgalagadi ka Phukwi ngogola, A e re re ise re gatele pele, re supe gore fa re kwala re re, ga e golelwle, mafoko a, a kgaoganye, ga se leina; ke seele, (sentence) a tlhalosa se se diragalang.

Jaanong fa re kwala e le leina, mafoko a otlhe, ga e golelwe, a tshwanetse go tshwaragana, a bo a simolola ka tlhaka e tona a re, Gaegolelwe. Re itse gore bontsi jwa maina a Setswana a a bua, ke diele..

Sekai ke gore ngwana o ka bidiwa Galotlhaole. Fa leina le le tlhalosiwa, fela jaaka go tle go nne go buiwe, go twe, loso ga lo tlhaole ope; mohumi, mohumanegi, mogolo, ngwana, lo a tsaya. Fa re kwala, re kwale mafoko a a kgaoganye ka ke seele.

Editor's Comment
Human rights are sacred

It highlights the need to protect rights such as access to clean water, education, healthcare and freedom of expression.President Duma Boko, rightly honours past interventions from securing a dignified burial for Gaoberekwe Pitseng in the CKGR to promoting linguistic inclusion. Yet, they also expose a critical truth, that a nation cannot sustainably protect its people through ad hoc acts of compassion alone.It is time for both government and the...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up