A re kgaoganye
Friday, June 07, 2019
Ba tswelele ba re, ka ngwao ke boswa, e tshwanetse go babalelwa, ya somarelwa, gore e tle e fitlhelwe le ke dikokomane tse di tlang. Bangwe ba re, ka ke eo e lebega e nyelela, re tshwanetse ra leka ka thata go e tsosolosa. Jalo he, malatsi ano, re a tle re bone go tshwerwe meletlo ya go leka go tsosa ngwao. Ka merafe ya Batswana e farologanye, meletlo e tshwarwe mo mafelong a a farologanyeng go ya ka merafe eo.
E re bangwe ba tshwere Dithubaruba, e le moletlo wa ngwao, ba bangwe ba tshware o mongwe fale mme ba o bitse ka leina le sele la morafe wa bone.. Ba bangwe ba dire Dikgafela fa bangwe fale bone ba bolotsa bojale le bogwera. Godimo ga moo, go nne le mmino o o farologanyeng, e ntse e le go ya ka merafe ya Setswana. Mongwe go twe ke Borankana, Phathisi, Polka, mongwe o bidiwe ka leina la morafe oo, go twe ke wa Sebirwa, kana, wa Sekalaka. Go ntse go ntse jalo, go nne le mmino mongwe o itiretswe ke setlhpha sengwe, kgotsa, ke motho mongwe, a le nosi fela foo, mogopolo e ntse e le go leka go somarela ngwao.
It highlights the need to protect rights such as access to clean water, education, healthcare and freedom of expression.President Duma Boko, rightly honours past interventions from securing a dignified burial for Gaoberekwe Pitseng in the CKGR to promoting linguistic inclusion. Yet, they also expose a critical truth, that a nation cannot sustainably protect its people through ad hoc acts of compassion alone.It is time for both government and the...