A re go tsaya eng? (4)

Fela jaaka re a tle re nne re kae, re bone, Motswana ga e re a natetsha Setswana a itsape. A dira jalo, o nwa tlhoa, a tlhoafale, a se natetshe, ke gore a se natifise go nne gone. E re Mpilwana le Ohubala ba letse ba robetse sentle ba sa tlhobaediwa ke sepe, le serame se sa ba tsena ka ba ne ba robetse fa tlase ga molelo o o bogale wa dikgong tsa motswere, ba re ba letse ba bo jele boroko, ba bo jele bothitho.

A bua jalo, se natefe Setswana ka ga a reye go ja ga go tsenya mo ganong jaaka re e ja dijo. Seo jaaka re setse re bonye, e le go natefisa puo fela. Jaanong gompieno ke yoo Motswana re utlwa a re go na le go tsaya tema. Go utlwa a bua jalo, mongwe a bo a ka mmotsa gore tema eo ke eng, e tsewa kae?

Mme gape, gongwe motho yoo a fetele pele a botse gore ka dilo di tsewa ka diatla, di isiwe golo gongwe, yone tema eo, e tsewa jang, e isiwe kae? Gone fa, re name re boetse morago re okomele Thanodi go utlwa gore ya re tema ke eng. Mme e reng? Thanodi e re tema ke bontlha bongwe jwa tshimo kana jwa tiro nngwe. Re dumalane le Thanodi re re, fa ntlo e agiwa, e le ntlo e tona, e kgaoganngwa ka dikarolwana mme dikarolwana tseo, di bidiwe dikamore. Fela jalo, tshimo le yone fa e lengwa e kgaoganngwa ka dikarolwana mme tseo tsone di bidiwe ditema e le nngwefela e nne tema.

Editor's Comment
Human rights are sacred

It highlights the need to protect rights such as access to clean water, education, healthcare and freedom of expression.President Duma Boko, rightly honours past interventions from securing a dignified burial for Gaoberekwe Pitseng in the CKGR to promoting linguistic inclusion. Yet, they also expose a critical truth, that a nation cannot sustainably protect its people through ad hoc acts of compassion alone.It is time for both government and the...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up