A noko eo e tlogelwe
Friday, July 31, 2020
A bo a setse a boletse phiri a re, ga bo se gangwe. Jalo he, e re ka le le latelang, o tsweledisiwe gore ke gone o tle o wele. Go diregile jalo ka kgang ele ya rona e re neng ra e alela ka polelo ele ya phuthego ya kgotla kwa Maake. Ga direga jalo ka gore, jaaka re kile ra bua, re segetswe molelwane mme fa re tsena foo, re tshwanetse go ema, ga re tlole. Jalo he, motlha mongwe, ga e ke e re gone foo, re kgona go bua ka tsotlhe tse e neng ya re re ntse re anapa ra di sela. Go ntse jalo, go re re ngathe mme re tle re boele mo gongwe nako nngwe. Ga nna jalo wa lala mosepele jaanong re a o boela go o wetsa.
Go tswela pele re re, maloba re ne ra utlwa fa morafe wa Maake kwa Kgalagadi Bokone o sale o ledile ka lenyora mme go fitlha nako eno, selelo seo se ise se kgaodiwe ka tsela epe fela; se ntse se tsweletse. Ga bonala fa seemo se le maswe mo morafe o bileng o tlhobaela gore o ka nna wa itshalela fela, leruo la one le fetile le lenyora; le bolailwe ke go tlhoka go nwa. Re dumalane gore e ka nna seemo se se maswe. A tshele jang Motswana a se na kgomo makgomola diretseng? Botshelo bo nne thata.
“Justice should not only be done, but should manifestly and undoubtedly be seen to be done.”-Lord HewartHis decision was the correct one.The move neither proves guilt nor settles the serious allegations that have brought him to the doorstep of the Regional Magistrate’s Court.It does, however, recognise a basic principle of accountable government, that a minister facing criminal charges should not remain in a position that could create even...