A mafoko ao, a kgaogane

Motswana a re, ‘Thota e se nang khudutlou, bolobethe ba e ipha naga.’

Go bua jaana o raya gore fa naga, lefelo, motse o se na kgosi motho mongwe le mongwe, le ba Motswana a ba nyatsang a re ga se batho ba sepe, ba ka batla go e busa, kana, go e laola. Jalo he, re bona mono gae dikgaolo ka go farologana, le metse ya tsone, di na le dikgosi. Mme go se ke go felele foo. E re go fetela pele, motse mongwe le mongwe o nne le dikgotla le dikgotlana mme kgotla le kgotlana nngwe le nngwe, e nne le kgosana.

Ka gone gore naga, ka naga re raya motse, ga e a tshwanela go tlhoka kgosi, re utlwa gore, e ne ya re ka kgwedi ya Mopitlo monongwaga, Rre George Tebogo a tlhongwa kgosana ya kgotlana ya Modikwagae kwa Kopong mo kgaolong ya Kweneng. Go bolelwa fa tiro e, e ne e tshwere ke Kgosi Michael Molefhe, ene e le kgosi ya motse oo wa Kopong.

Editor's Comment
Human rights are sacred

It highlights the need to protect rights such as access to clean water, education, healthcare and freedom of expression.President Duma Boko, rightly honours past interventions from securing a dignified burial for Gaoberekwe Pitseng in the CKGR to promoting linguistic inclusion. Yet, they also expose a critical truth, that a nation cannot sustainably protect its people through ad hoc acts of compassion alone.It is time for both government and the...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up