A re farologanye mafoko ao

E rile maloba ra tshwara kgang re ikaegile ka polelo nngwe e re neng re e bonye e bua ka mosukujane. E tlaa re le tsatsi jeno kgang ya rona e tswelele re ntse re ikamile ka yone polelo ele. Mme gongwe, mongwe o sa ntse a ka botsa gore one mosukujane ke eng, o dira eng?

Re ne ra re, mosukujane ke sengwe sa ditlhatshana tsa naga tse re nang le tsone mono Botswana. Go feta foo, ra re polelo ele, e bolela fa setlhatshana se se aname le dikgaolo tsa legare le borwa jwa Aferika. Godimo ga moo, polelo ya inola mafatshe mangwe ka maina, e leng Zimbabwe, Botswana le Afrika Borwa, ya re ke one a mosukujane o bonwang mo go one. A e le one fela, kgotsa go na le a mangwe gape, ga re itse ka foo polelo ga e tlhalose.

Kgang ya tswelela ra re, re itse fa mosukujane o dirisiwa go natefisa tee, go e fa tatso e e monate le go e nkgisa monate. Gape ra re, e a re ba feletswe ke matlhare a tee, ba dire tee ya mosukujane. Tee e, e dirwa fela jaaka go dirwa tee mong wa leina. Go bedisiwe metsi, go tsenngwe matlhare a mosukujane kana one mosukujane moo. Jaaka gale, tshela masi mme o nwe tee e e monate thata. Rona re itse fela go le kalo. Mme ka ga di sise ka go tshwana, polelo ele ya supa fa mosukujane gape e le molemo wa malwetse mangwe. Malwetse a, a bolelwa e le kgotlholo, letshoroma, go huhula, le malwetse a mafatlha.

Editor's Comment
Closure as pain lingers

March 28 will go down as a day that Batswana will never forget because of the accident that occurred near Mmamatlakala in Limpopo, South Africa. The tragedy affected not only the grieving families but the nation at large. Batswana throughout the process stood behind the grieving families and the governments of Botswana and South Africa need much more than a pat on the back.Last Saturday was a day when family members said their last goodbyes to...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up