Tshameko e ntle; maduo aa gana kwa BR Higlanders

Lebitso Ratlou
Lebitso Ratlou

E re tshameko e e kgatlhisang e le botlhokwa mo motshamekong wa kgwele ya dinao, mme fa o sa nose o na le bothata ka ga o kake wa kgona go bona maduo. Se ke se se diragalang kwa setlhopheng sa BR Highlanders sa kwa Mahalapye.

Highlanders e dubana le le lerole la dikatse mo go tse tharo tse di kwa mogatleng wa moalo wa Be Mobile. Banna bao ba kwa Mhalatswe ba na le tse di sokolang jaaka bone tsa Motlakase Power Dynamos ya kwa Palapye le FC Satmos go tswa kwa toropong ya Selibe Phikwe. Ditkgopha tse di lebaganwe ke selepe sa magagane.

Fa motho a lebile setlhopha sa Highlanders o ka lemoga gore ga ba dira diphetogo tse di kalo ka nako ya kwadiso ya batshameki. Ba kgonne fela go bona Emmanuel Thakadu.  Se ke ka gore mokatisi Lebitso Ratlou o dumela fa batshameki ba a nang le bone ba ka mo direla tiro. Mme tota se e le boammaruri fa motho a lebeletse tshameko e ntle ya Highlanders mo lebaleng mme sebe sa phiri ba sa kgone go bona letloa.

Editor's Comment
Closure as pain lingers

March 28 will go down as a day that Batswana will never forget because of the accident that occurred near Mmamatlakala in Limpopo, South Africa. The tragedy affected not only the grieving families but the nation at large. Batswana throughout the process stood behind the grieving families and the governments of Botswana and South Africa need much more than a pat on the back.Last Saturday was a day when family members said their last goodbyes to...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up