Sharps, Prisons XI di kgweetswa ke mekaloba

Keitumetse Pio Paul PIC: KABO MPAETONA
Keitumetse Pio Paul PIC: KABO MPAETONA

Setlhopha sa Prisons XI se tse se na le dingwaga di le dintsi se ntse se lwa ntwa e e thata go leka go fenya bosimega jwa liki ya ntlha ya setshaba ya borwa e e rotloediwang ke Debswana ka maikaelelo a go boela mo liking e e kwa godimo morago ga go fologa mo go yone, mme se ya se ka ya nna tiro e e motlhofo ka ditlhopha dingwe di ntse di tlhatloga mo matlhong a yone.

Ka dingwaga tse se neng se dira sentle, setlhopha se ne se na le mokatisi Clever Hunda yo erileng go kgaoganeng le setlhopha se sa sokola go bona mokatisi fela wa tlhwatlhwa, mme monongwaga go lebega ba tshwere tlhapi e tona ka go thapa mokatisi Phillimon Daphil Makhwengwe go loga basimane.

Prisons XI e bitsa Makhwengwe jaana go tla go ba thusa go lwa ntwa e e seng bonolo e, bogolo jang kgatlhanong le setlhopha se go lebegang se na le maikaelelo a go fenya bosimega jwa monongwaga sa Sharps se se supang tlhwaafalo ka go kwadisa batshameki ba ba maitemogelo magolo, gammogo le mokatisi yo o tlhwatlhwa kgolo, Keitumetse Pio Paul.  Prisons XI e ne ya re morago ga go kgaogana le mokatisi Hunda ya nna ya leka bakatisi ka go farologana ga bone, gareng go bone go le Bushy Basitang le Dicker Montwedi, ba go neng go bonala sentle gore ga ba kgone go bona tsela ya go ikgata motlhala sentle go boela kwa liking e kgolwane ya lefatshe la Botswana.

Editor's Comment
Stakeholders must step up veggie supply

The Ministry of Agriculture, local producers, retailers, and industry associations must work together to overcome the obstacles hindering vegetable production and distribution.This collaborative approach is essential to improve the availability, quality, and affordability of vegetables in the market.Firstly, the Ministry of Agriculture should provide support and guidance to local farmers to enhance their productivity and efficiency. This could...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up