Re etse tlhoko kgotlhang ya batho le ditlou � Tona Khama

Khama
Khama

Tona ya Tikologo, Tshomarelo Ditsatlholego, le Bojanala, Tshekedi Khama, a re puso e na le mananeo a a itebagantseng le go laola kgotlhang fa gare ga batho le ditlou.

Tona Khama o buile se kwa Palamenteng bosheng, a re lephata la gagwe le na le molawana wa go laola kgotlhang fa gare ga batho le ditlou. A re molawana o,o itshegeditse ka molao wa Tshomarelo Diphologolo le Makgabisanaga wa 1992, ka tshetlana ya masome a mane le borataro (46) le ya masome a mane le bosupa (47).

Khama o boleletse Palamente gore, ditshetlana tse a di umakileng, di sireletsa batho, dijwalo, leruo le kgokelo ya metsi le dikagelelo tsa mafelo a bone. O tsweletse a re, e rile kgwedi ya Phukwi e simologa ka ngwaga wa 2015, puso ya simolodisa molao wa go phimola dikeledi ba malwapa a batho ba ba bolailweng ke diphologolo tsa naga.

Editor's Comment
Human rights are sacred

It highlights the need to protect rights such as access to clean water, education, healthcare and freedom of expression.President Duma Boko, rightly honours past interventions from securing a dignified burial for Gaoberekwe Pitseng in the CKGR to promoting linguistic inclusion. Yet, they also expose a critical truth, that a nation cannot sustainably protect its people through ad hoc acts of compassion alone.It is time for both government and the...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up