Ra re koko dumelang � Bosetlabosheng
Wednesday, May 25, 2016
Kwa liking ya ntlha ya setshaba e e rotloediwang ke kompone ya teemane ya Debswana go laetse ditlhopha tsa Black Forest, Rolling Boys le Mahalapye Hotspurs go kokota ka maatlametlo mo diofising tsa beMOBILE. Kwa liking ya dikgaolo ya ntlha gone go laetse setlhopha sa Matebejana sa Borwa, fa kwa Bokone go laetse Morupule Wonders tse le tsone di kokotang dire koko dumelang mo diliking tsa ntlha tsa setshaba tsa Borwa le Bokone.
Barati le balatedi ba motshameko wa kgwele ya dinao gantsi ba itumelela go bona motshameki wa setlhopha sa bone a nosa nno, mme fa e le go bona setlhopha sa bone se kgonne go fenya bosimega jwa liki gone go tshwana le monna a solofetse ngwana wa maitebolo. O kgona go ipitsa maina otlhe fela le ngwana a ise a tshole, a bolelela batho gore ene ke raago mang, a bolela fa ngwana yo a tla a tsoga a tshamekela setlhopha se, a re ke ene a tla a emelang lefatshe la Botswana lantlha mo motshamekong o o rileng.
It highlights the need to protect rights such as access to clean water, education, healthcare and freedom of expression.President Duma Boko, rightly honours past interventions from securing a dignified burial for Gaoberekwe Pitseng in the CKGR to promoting linguistic inclusion. Yet, they also expose a critical truth, that a nation cannot sustainably protect its people through ad hoc acts of compassion alone.It is time for both government and the...