O thubeditse mmangwanaagwe
Thursday, July 23, 2015
Godirwang, yo o tumileng thata ka leina la ‘Volume’, o setse e bile a itshupile kwa go Makaseterata mogolwane Queen Moanga, mme mongongoregi Onkatametse Meagowe, yo gape e leng mona-le-bogole, a ikokotlela ka dithobane tse pedi, o nnile le sebaka sa go bolelela lekgotla ka tiragalo e e setlhogo e, a tlhalosa gore Godirwang o mo dirileng.
Meagowe, yo a neng a fa bosupi a ntse fa fatshe, ka ntlha bogole jwa gagwe, o ne a tlhalosetsa lekgotla ditiragalo tsa letsatsi la petelelo, a bolelela fa mosekisiwa ele ngwana wa ga mogolowe, thoothoo! O boletse fa e rile ka letsatsi la tiragalo e, kgwedi ya Motsheganong ele borobabobedi monongwaga, a ne a tsaya mosepele go tswa kwa morakeng o a neng a nna kwa go one, o o bidiwang Xaogodom, mme a ya kwa go o o bidiwang Ganeganega, ka mabaka a go kopa motsoko le ditlhatleo.
It highlights the need to protect rights such as access to clean water, education, healthcare and freedom of expression.President Duma Boko, rightly honours past interventions from securing a dignified burial for Gaoberekwe Pitseng in the CKGR to promoting linguistic inclusion. Yet, they also expose a critical truth, that a nation cannot sustainably protect its people through ad hoc acts of compassion alone.It is time for both government and the...