Ngwaga o sa nthateng...

No Image

Fa e tla go tsena fa kgwedi ya Sedimonthole, dikgang di nna matsorotsoro mme fela, bo ‘a ga o na sepe foo, ke tla go bona kamoso kana kgwedi e fela’, ba a fokotsega jaaka mongwe le mongwe a ikgakologelwa le go iphutha metlhala mme rotlhe re lebe magaeng, bangwe meketeng e e farolganeng.

Bangwe ga re a fitlhelela dingwe tse re neng re batla ngwaga ono, fa bangwe e le menyenyo fela, tse re neng re di eleditse di diragetse. E re gontse jalo, ngwaga mongwe le mongwe fa o simolola rotlhe re bakwadi ba popota. Pena le pampiri di bereka go tlhomaganya maitlamo jaaka re a eletsa. Bontsi ga re batle go kgaogana le yone. Re a baya fa re tla nnang re a tlhodumela go bona gore mosepele o tsamaya fa kae.

Re eletsa gape le dilo di tshwana go ka reka matlo kana dikoloi, go simolola dikgwebo, go tlhatlosiwa maemo kwa ditirong kana go bona yone mebereko le gone go akaretsa tema ya botshelo.Bangwe ba batla go nyala kana go eletsa go nyalwa fa bangwe bone ba lela sa khuranyo ya meno, mabapi le ditlhalano mo malwapeng.Ba bangwe ba eletsa go fokotsa mebele jalo jalo mme ntshe, dirobe le dipeso di tsene gare.

Editor's Comment
Human rights are sacred

It highlights the need to protect rights such as access to clean water, education, healthcare and freedom of expression.President Duma Boko, rightly honours past interventions from securing a dignified burial for Gaoberekwe Pitseng in the CKGR to promoting linguistic inclusion. Yet, they also expose a critical truth, that a nation cannot sustainably protect its people through ad hoc acts of compassion alone.It is time for both government and the...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up