Dilalome tsa Mahalapye

Mophato wa mapodisi o ipaakanyetsa go aloswa ka maikaelelo a go lwantsha borukhuthi jo bo sa robatseng bogogi jwa motse wa Mahalapye
Mophato wa mapodisi o ipaakanyetsa go aloswa ka maikaelelo a go lwantsha borukhuthi jo bo sa robatseng bogogi jwa motse wa Mahalapye

PALAPYE: Banana ba motse wa Mahalapye ba apesitse bogogi ja motse kobo ka letshoba jaaka ba iphetotse dilalome mo batsading ba bone. Mo potsolotsong le Naledi, ramapodisi wa Mahalapye, Isaac Mmamadi, o boletse fa ba tlhorwa boroko ke bana ba ba betsang batsadi ba bone.

Mmamadi o tlhalositse fa bontsi ja dititeo tse di diragala fa bana ba, ba sena go itshiela dinotagi. O tsweletse a tlhalosa gore mo malatsing a keresemose le ngwaga o mosha, ba kwadisitse melato ele mebedi e bana ba neng ba betsa bommaabone.

“E ne yare ka keresemose ra begelwa fa mosimane wa dingwaga tse 23 a iteile mmaagwe mo go masisi kwa kgotlaneng ya Tshikhinyega. Dititeo tse di tlogetse mmaagwe mosimane ka dikgobalo go tlhalositswe fa di diragetse morago ga gore mosimane a lope madi a goya go reka bojalwa mo go mmaagwe yo a ileng a supa faa sena madi,”ga tlhalosa Mmamadi.

Editor's Comment
Human rights are sacred

It highlights the need to protect rights such as access to clean water, education, healthcare and freedom of expression.President Duma Boko, rightly honours past interventions from securing a dignified burial for Gaoberekwe Pitseng in the CKGR to promoting linguistic inclusion. Yet, they also expose a critical truth, that a nation cannot sustainably protect its people through ad hoc acts of compassion alone.It is time for both government and the...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up