BOT50 e atlegile ka dikgwebo-Olopeng

Olopeng
Olopeng

Tona wa Lephata la Thabololo Banana, Metshameko le Ngwao Thapelo Olopeng o lebogetse seabe sa botlhe segolobogolo sa dikgwebo tse di ikemetseng ka nosi mo go rulaganyetseng meletlo ya bosheng ya go ipelela dingwaga tse di masome a matlhano lefatshe leno le ntse le ipusa.

Olopeng o buile jaana kwa palamenteng e e tsweletseng a bolela fa dikgwebo di dirile go tlala ka diatla go oketsa letseno le puso e neng ele beetse fa thoko go rulaganya meletlo ya Bot50. A re puso e ne e beetse fa thoko madi a kana ka di dikadike tsa dipula di le lekgolo (P100 million) mme di dikgwebo tsone tsa thusa ka didikadike tse tharo, dikete tse masome a robangbobedi le borobabobedi, makgolo a robabobedi le masome a robabobedi le botlhano le dithebe tse borobabongwe le botlhano (P 3,088,885.95).

Tona o tsweletse ka gore, ka e ne e le tiro ya lefatshe le Batswana botlhe, maphata ka go farologana go balelwa le a puso, a ne a nna le seabe ka go tsisa diatla le megopolo ya bone. Olopeng a re kwa dikgaolong go ne go le ba yo o sebete ka baeteledipele ba dikhansele le metse ba ne ba eteletse pele merafe ya bone go tlhomamisa gore meletlo ya boipuso e nna le katlego.

Editor's Comment
Human rights are sacred

It highlights the need to protect rights such as access to clean water, education, healthcare and freedom of expression.President Duma Boko, rightly honours past interventions from securing a dignified burial for Gaoberekwe Pitseng in the CKGR to promoting linguistic inclusion. Yet, they also expose a critical truth, that a nation cannot sustainably protect its people through ad hoc acts of compassion alone.It is time for both government and the...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up