Bakgatla ba rekela Mma Matshego sukiri

Morafe wa Bakgatla kwa kgotleng
Morafe wa Bakgatla kwa kgotleng

Bakgatla-ba-ga-Kgafela kwa Kgatleng ba re go botlhokwa thata gore ba tlhomamise fa Kgosikgolo Kgafela Kgafela II le mohumagadi wa gagwe Mma Matshego (Oshadi Kgafela) ba tshela sentle ka dinako tsotlhe ka se e le sone se ka ba nayang seriti e le morafe. Ba bolela fa ba tla a rekela mohumagadi Mma Matshego sukiri le senotsididi sa keresemose gore le ene a intshe lenyora ka malatsi a.

Fa ba bua mo phuthegong ya kgotla kwa Oodi bosheng, borre le bomme ba mophato wa Mangana ba ne ba bolela gore go tswa bogologolo, morafe wa Bakgatla o ne o itlhokomelela dikgosi tsa one go sa kgathelesege gore a dikgosi tseo di ne di na le eng go ka itlhokomela.  Ba re se e ne e le go supa tlotlo le lorato mo go tsone, ka go rialo ba eletsa gore morafe wa Bakgatla o ikgate motlhala go tlotla kgosikkgolo le mohumagadi wa gagwe.

Erile mophato wa Mangana o rola kgang mo kgotleng, wa bolela fa Mokgatla mongwe le mongwe a tshwanetse go itse Kgosikgolo Kgafela a sa tlhole a bereka jaaka pele, ka jaanong a le mo tirong e tona ya go baakanya dilo dingwe tsa morafe wa gagwe. Ka a sa bereke, se se tlhalosa gore ga a sa tlhole a na le letseno le le tshwanang le ka nako ya fa a santse a bereka. Fela jalo le mohumagadi Mma Matshego yo o nang le monna wa gagwe kwa Aferika Borwa.

Editor's Comment
Human rights are sacred

It highlights the need to protect rights such as access to clean water, education, healthcare and freedom of expression.President Duma Boko, rightly honours past interventions from securing a dignified burial for Gaoberekwe Pitseng in the CKGR to promoting linguistic inclusion. Yet, they also expose a critical truth, that a nation cannot sustainably protect its people through ad hoc acts of compassion alone.It is time for both government and the...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up