Ba Boteti ba ipela ka tiro ya diatla

No Image

LETLHAKANE: E re ka mogologolo a re mmapatsi phokwana o tsamaya a e ntshitse, e rile bosheng badiri ba ditiro tsa diatla jaaka go roka, go bopa, botaki, gokapa ditshwantsho, go loga le tse dingwe, ba bo ba kokoanetse kwa motseng wa Letlhakane ka mabaka a go ipapatsa mo bareking ba motse oo.

Mo puisanong ya gagwe le lokwalodikgang la Naledi, ka lone letsatsi le, mogolwane gotswa kwa lephateng la Banana, Metshameko le Ngwao, Rre Kagiso Makoba, a tlhalosa gore ditiro tsa diatla di botlhokwa thata ka di ka thusa go tokafatsa matshelo a Batswana gammogo le go tlhamela ba bangwe mebereko. A re ba o baba filweng bokgoni jwa go dira ka diatla, Modimo o ba file se ka maikaelelo mme ba tshwanetse go tlhagafalela go di dirisa  sentle gore ba kgone go tokafatsa matshelo a bone.

“Ka e le sa ntlha ba dira jaana, ke solofela sentle gore bokamoso jwa bone botla phatsima ke lebile botlhaga le go ipapatsa ga bone mo setshabeng,” Makoba a rialo. Makoba a re maikaelelo a bone elel lephata ke go tswelela ba dira tiro ya go nna jaana nako le nako morago ga dikgwedi tse tharo. A re se se itumedisang ke gore bana-le-bogole le bone ga ba a bewa ka fa mosing, ka ba na le sebaka sa go supa ditiro tsa bone.

Editor's Comment
Human rights are sacred

It highlights the need to protect rights such as access to clean water, education, healthcare and freedom of expression.President Duma Boko, rightly honours past interventions from securing a dignified burial for Gaoberekwe Pitseng in the CKGR to promoting linguistic inclusion. Yet, they also expose a critical truth, that a nation cannot sustainably protect its people through ad hoc acts of compassion alone.It is time for both government and the...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up