A manobonobo a fele � Makhanselara a Lobatse

Mmatoropo ya Lobatse, Malebogo Kruger
Mmatoropo ya Lobatse, Malebogo Kruger

Kwelotlase ya itsholelo e e apereng lefatshe lotlhe e ntse e tsweletse ka go kgoreletsa ditlhabololo dingwe, bogolo jang dikago le ditsela mo dikgaolong tsotlhe tsa lefatshe leno.

Se e le gobo dikhansele di abelwa madi a a fokoditsweng thata a ditlhabololo mme se se dira gore makhanselara a kgaolo ya Lobatse ba fokotse menate le manobonobo fa ba le mo ditirong tsa khansele.

Fa ba akgela mo mafokong a ga Mmatoropo wa Lobatse, Malebogo Kruger, beke e e fetileng, makhanselara a ne a utlwa fa madi a ditiro tsa khansele a fokotsegile, mo go tlhalosegang fa dingwe ditiro tsa ditlhabololo di tlaa tswelela di salela morago. Ba ne ba tswa ka mogopolo wa gore go batliwe methale e mengwe e khansele e ka dirang madi ka yone.

Editor's Comment
Closure as pain lingers

March 28 will go down as a day that Batswana will never forget because of the accident that occurred near Mmamatlakala in Limpopo, South Africa. The tragedy affected not only the grieving families but the nation at large. Batswana throughout the process stood behind the grieving families and the governments of Botswana and South Africa need much more than a pat on the back.Last Saturday was a day when family members said their last goodbyes to...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up