Leo le raya go bona

E a re nako nngwe go iketlilwe, go tserwe dikgang, e re fa mongwe a ka re ga a leme, ga a a rua, Batswana bangwe ba hakgamale ba botse gore, motho yoo, o tshela jang, a se na kgomo, a se na tshimo.

Potso e a bo e bodiwa ka gore Batswana ba tswa Goo Lowe e le balemi, e le barui; lefatshe leno le tshegeditswe ke temo thuo.  Go ntse go ntse jalo, go itsiwe fa Botswana, bogolo jang malatsi ano a phetogo ya lewapi a se na pula e ntsi; pula e le  boutsana, e bile e sa ikanyege. Ngwaga mongwe e nne teng, botshelo bo rune, ngwaga o mongwe re e tlhoke mme re lalwe ke leuba godimo. E re ka lone lebaka le la go tlhoka pula, go nne botlhokwa gore barui ba akanye, ba bone gore e ka re ka nako ya leuba, ba dira jang ka loruo lwa bone,  ba lo fepa jang.

Gompieno re utlwa gore, e ne ya re ka kgwedi ya Tlhakole, ga tshwarwa phuthego ya barui kwa Tsabong. Moono wa phuthego e, e le eng? Moono e le go ya go thusa barui ka megopolo ya gore, e ka re ka nako ya leuba, ba fepa loruo lwa bone jang. Ga twe, gone koo, go ne go le Dr Elisha Nyakarombo, wa lephata la matlhoko a loruo,  e le ene a tlhatlhelelang barui. Ga twe a  tla ka one mafoko ngaka, a bolela fa lephata la gagwe le tshwaraganye le khampane ya Techno Feeds go dira dijo tsa loruo. A ke mafoko a bangwe ba ka a tsayang a le mantle thata a raya gore dijo dingwe tsa loruo, kgotsa bontsi  jwa tsone di tlaa dirwa mono,  go lebilwe seemo sa phulo le lone loruo, go na le go tla di tlola melelwane.

Go ya ka polelo e re e bonyeng, a fetela pele ngaka a tla kwa go yone kgang tota, e leng go fepa loruo ka nako ya leuba. Go utlwala gore, pele, ngaka o ne a tlhagisa barui go laola palo ya loruo lwa bone. Re dumela fa se, e ne e le  go gakolola barui go ela tlhoko gore, ka palo, loruo lwa bone lo kae. A ke palo e e leng gore e ka re fa go le leuba ba kgona go e jesa, kgotsa, ke palo e ntsi e e leng gore fa go tla gore ba e rekele dijo, e ka ba imela. Motswana a rialo a re, e re go diga (dinawa) o itekanye morwalo.  O se dige wa di tlatsa kgama tsa tloga tsa tlhoka morwadi. O a bo a raya gore, fa o dira tiro, o e itekanye,  e se re gongwe wa e dira ntsi ya tloga ya go palela. E re go diregile jalo, bangwe ba tloge ba go je setshego  ba re, ‘A a di rwale, o di gile a di tlatsa kgama a re di tlaa rwalwa e mang?’ Gongwe o nne o leke go goga mme go nne go nne thata. A re dire jalo le ka loruo lwa rona, re itekanye morwalo.


Godimo ga go itekanya morwalo, ga twe ngaka a bua gape ka metsi. A re loruo lo nosiwe metsi a mantsi e seng jalo, barui ba ka latlhegelwa. A le one ga se mafoko a go ganediwa. Re itse gore setshedi sengwe le sengwe se tshwanetse go nwa. E re se e nwa se se hupe, se nwe, se kgore, ke gone se tlaa tsogang sentle, se itekanele. O le morui, o sa nose loruo lwa gago sentle, bogolo jang ka nako ya leuba, lo tlaa mana mme lo felele lo phuphama. Ga twe a nna a fetela pele ngaka, jaanong a bua ka mekento a re, le yone e botlhokwa; ke gore, e tshwanetse go dirisiwa ka nako ya leuba ka jaana diruiwa di tlhoka vitamin AD.  E nngwe kgaokolo ya nna gore, a le dibokwana tsa mala di lwantshiwe pele ga leuba le tlhasela. Ba a tle ba bue jalo ba loruo ba re, dibokwana tse di lwantshiwe loruo lo sa itekanetse.  Mme ya bo e se Dr Nyakarombo fela kwa Tsabong. Go bolelwa fa  gape, go ne go le Mme Mpotsang Podisi, moitseanape wa tsa temo, mme ene a kgothatsa barui go lema bojang jwa Napier ka bo dikotla dintsi.

Re ntse re gone foo, re na le Dikgang (Daily News) mme re fitlhela polelo ele, ya phuthego  ya barui kwa Tsabong mo go yone. Fa e bega ka fa Mme Podisi a neng a bua le barui ka teng, Dikgang (Daily News) Tlhakole 13 2019 ya re;

‘O kopile barui go lema bojang jwa Napier ka bona le dikotla tse dintsi… bo siametse….. loruo…..’

Fa o ka tlhoma temana e matlho, o tlaa bona lefoko ‘bona’ mme le sa dirisiwa sentle.  Ga twe, ‘ …..bona le dikotla…..’  Ke eng re re lefoko le, ga le a dirisiwa sentle? Phoso ke yone ya gale ya gore, go patagantswe mafoko a a neng a sa tshwanela go patagana mme a felela a dira lefoko le le rayang selo se sele. Le raya eng?  Lefoko le, le raya go leba, go bona, ka matlho. Gape, le ka raya go tlhaloganya.

Fa Nkgaupane a go raya a re, ‘A o bona se ke se buang?’ Ga a reye gore a o bona mafoko a gagwe ka matlho; o raya gore, a o a tlhaloganya. O botse gore fa godimo fale, lefoko le le ka bong le dirisitswe sentle ke lefe? Ga se lefoko, ke mafoko.  Fa godimo fale, go kwala sentle ke gore go twe ‘….. bojang  bo na le dikotla…..’ e seng ‘bona.’ Nnyaa, leo le raya go leba, go tlhaloganya. A re nne re ele diphoso tse tlhoko e seng jalo, bangwe ba tlaa latlhega thata.

Editor's Comment
DCEC, DIS wars threaten gov’t trust

This came about after the DIS agents raided and sealed the DCEC offices last week in search of files allegedly opened by the corruption bursting agency investigators against some of the DIS officers.The move prompted DCEC head, Tymon Katlholo to approach the court to seek a restraining order against the DIS, which the court duly granted through a rule nisi.The turn of events came as a shock to many, especially that the impasse involves two...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up