Ga se go tswa thuso

Lengwe la matshego a fatshe jeno ke gore re le Batswana, re nne tshaba e e kutlwelobotlhoko le lorato. Go twe se, e se nne puo fela, mme gape se supiwe ka ditiro.

Kgang e nne gore, fa bangwe ba itlhaela, kgotsa, golo gongwe ba tlhaetse, ba ba kgonang, ba thuse. Go nne jalo, ba thuse Batswana.

Gompieno re utlwa fa kwa Maubelo, kwa Tsabong, lephata la DBES (Deoartment of Buildings and Engineering Services) le thusitse Mme Semakaleng Mmereki go aga ntlo. Polelo e re e bomyeng ele, e kaya fa Mme Mmereki a simolotse a itirela, ke gore, a ikagela, mme ka mabaka mangwe a tlhaelela nageng, a se ka a kgona go fetsa. Re utlwa gore, Rre Motsumi Kganyako, mogolwane wa DBES kwa Tsabong, a re ba ikopanya le lephata la Boipelego go bona gore, a Mme Mmereki ke motho tota a tlhoka go thusiwa. Go bonala gore, ga felela go ntse jalo gore Mme Mmreki a thusiwe.

Editor's Comment
Human rights are sacred

It highlights the need to protect rights such as access to clean water, education, healthcare and freedom of expression.President Duma Boko, rightly honours past interventions from securing a dignified burial for Gaoberekwe Pitseng in the CKGR to promoting linguistic inclusion. Yet, they also expose a critical truth, that a nation cannot sustainably protect its people through ad hoc acts of compassion alone.It is time for both government and the...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up