A re go ja eng? (8)
Friday, February 26, 2021
E re re ntse re tswela pele go tle le lengwe lenatetshapuo le re go na le go ja dijo tsa ditoro. Mme a re go lemotshe gore le, le farologane le manatetshapuo a mangwe le tshwane le la ntshwakgo, tlwae, le kgakge, ka ao ga a tlhamalale a re go ja… Re setse re bonye gore lenatetshapuo la ntshwakgo ga le re motho o ja ntshwakgo la re o jele ntshwakgo. Ra bona gape gore gone fa, boemong jwa ntshwakgo, bangwe ba re motho o jele tlwae. Fela jalo le ka kgakge ga go twe motho o ja kgakge. Ga twe a sala a jele kgakge. Ga nna jalo le ka dijo tsa ditoro. Setswana ga se re go ja dijo tsa ditoro sa re go ijesa dijo tsa ditoro. Gone mme go raya eng? Go raya go eletsa, kana, go batla go nna le sengwe mme selo seo se le thata gore motho o ka se bona kgotsa a se itirela.
Jaanong e le sekai a re re Sapelo le Wapitse ba eme fa tlase go tsela ya Letloping le Khudiring. Fa ba sale foo, koloi ke eo e tla e gagasela e ya Mmadithotse. Go e bona Sapelo a e rata thata a re, ‘Hei, koloi ele e ntle thata le mosepele e bonala e ka o tsholetsa. O ngwaga ga o fele ke ise ke e reke.’ Go utlwa Sapelo a ipoka jaana, Wapitse a hakgamala a re, ‘Ao, wena?’ Sapelo a re ‘Nna tota.’ Wapitse a ipoeletsa a re, ‘O itshwanna le nna jaana, e le gore o tlaa bo o e reka ke eng? A gana Sapelo a re, Nnyaa rra ga ke tshwane -nao. Ke ntsha lesaka lotlhe la me la dipodi tse di masome matlhano, ke a rekisa, ke ya go e goga.’ A tla gape Wapitse a re, ‘Nnyaa rra o ijesa dijo tsa ditoro. Ele ga se e e rekwang ka dipodi e batla makgolokgolo a dikgomo’. A tla Sapelo a re, ‘Eo rra kakanyo ke ya gago. Ele koloi ke ya go tla ka yone.’ A bua jalo Sapelo mme Wapitse ene a bona mosimane sa gagwe e le fela go eletsa go nna le koloi mme go e reka gone go le thata ka e bonala e tura, e batla madi a mantsi thata. Go ntse jaana, o eletsa go dira selo, e bile o dumela gore o ka dira mme gone tota go le thata gore o ka kgona ke gone Motswana a re o ijesa dijo tsa ditoro.
It highlights the need to protect rights such as access to clean water, education, healthcare and freedom of expression.President Duma Boko, rightly honours past interventions from securing a dignified burial for Gaoberekwe Pitseng in the CKGR to promoting linguistic inclusion. Yet, they also expose a critical truth, that a nation cannot sustainably protect its people through ad hoc acts of compassion alone.It is time for both government and the...