A go ntse jalo?

Kwa Kweneng Bophirima, go na le motse mongwe o bidiwa Sesung, e le motse wa kgaolo potlana ya Letlhakeng. Go bonala fa motse o, ka nako nngwe, o ne o se na kgosi.

Go ya ka polelo e re e bonyeng, e ne ya re monogwaga ka kgwedi ya Mopitlo, Rre Lekang Motoane, a tlhongwa kgosi ya motse o. Ka tiro ga e ke e tlhoka mogolo go e tiisa moko, re utlwa fa Rre Tumelo Puleng, moemela kgosi yo mogolwane kwa Letlhakeng, a ne a le koo.  Ga twe e rile a tswa la gagwe, Kgosi Puleng a re, o itumelela go bo tiro e, e akofetswe ya dirwa, ka go nyafala, go diegela tiro ya go nna jaana, gantsi go lere dikgotlhang.

Mme Kgosi Puleng a bo a ne a se nosi. Ba bangwe bagolo le bone ba bo ba ne ba le koo; go le Kgosi Kgari 111 kgosikogolo ya Bakwena. A re gakolole gore leina le, ke Kgosi Kgari 111, e seng Kgari Sechele 111 jaaka polelo e bua, le jaaka ba bangwe ba tle ba le bitse. Nnyaa, jalo ga le bidiwe sentle, ga le kwalwe sentle. A rotlhe re baakanye phoso eo. Gone kwa tirong ele, go bolelwa fa mogolo yo mongwe gape e ne e le Kgosi Puso Gaborone wa Batlokwa. Bobedi jo, jwa bo bo ne bo ile tiro ele, ka maemo a jone. Kgosi Kgari 111 a le koo e le Kgosikgolo ya Bakwena fa Kgosi Puso Gaborone ene  a ne a ile ka maemo a gagwe a gore ke Modulasetilo wa Ntlo ya Dikgosi.

Editor's Comment
Human rights are sacred

It highlights the need to protect rights such as access to clean water, education, healthcare and freedom of expression.President Duma Boko, rightly honours past interventions from securing a dignified burial for Gaoberekwe Pitseng in the CKGR to promoting linguistic inclusion. Yet, they also expose a critical truth, that a nation cannot sustainably protect its people through ad hoc acts of compassion alone.It is time for both government and the...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up