Ka tsebe gone a reng? (3)

Dijo di a tle di tsholwe di jewe. E re gongwe ka mogopo o tletse thata, di se ke di fele ka yone nako eo. Di sale mme e re le ka moso, kgotsa, le ka malatsi a mangwe, go nne go jewe fela. Jalo he, e tlaa re le gompieno re nne re boele mogopo ole wa rona wa manatetshapuo a lefoko ‘tsebe,’ ka re ntse re e ja mo go one, mme ga o ise o kgaritlhege.

Maloba re ne ra wetsa kgang ya rona ka go tlhalosa lefoko ‘go tsaya ka tsebe.’ Re ne ra re, papisapuo e, e  raya go reetsa, o bo o utlwa kana o tlhaloganya se se buiwang, mme go tswa foo, o bo o sa dire sepe, o sa tseye kgato epe ka sone. Go tlhalosa bapisapuo e, ra nna ra boelela kgang ele ya bogodu jwa loruo kwa Kang e le sekai.

Ra re, fa e le gore morafe o ne wa tlhama makgotlana a ntebela ke go lebele, go lwantsha bogodu joo, jaaka kgosi le mapodisi ba ne ba kgothatsa, Setswana se tlaa re, morafe o ne wa tlhwaela molaetsa wa mapodisi tsebe. 

Editor's Comment
Closure as pain lingers

March 28 will go down as a day that Batswana will never forget because of the accident that occurred near Mmamatlakala in Limpopo, South Africa. The tragedy affected not only the grieving families but the nation at large. Batswana throughout the process stood behind the grieving families and the governments of Botswana and South Africa need much more than a pat on the back.Last Saturday was a day when family members said their last goodbyes to...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up