A ke leleme, maleme?

Go begwa gore, e rile kgwedi ya Tlhakole e ya fifing, ga tshwarwa moletlo wa go ipelela dipuo kgotsa diteme kwa Kgomodiatshaba. Go ya ka pego, Kgomodiatshaba e sa ntse e le motse o monnye. Ga twe motse o, o simolotse fela ka malwapa a le mane, mme ka ngwaga wa 1982, wa oketsega wa nna le malwapa a supa.

Ga twe ka one ngwaga oo, ke fa puso e simolola go baya ditsha mo Kgomodiatshaba. Re tlaa tsaya gore, ka ke foo go ne go bewa ditsha, batho ba ne ba simolola go thibelela ba phuthologile, ba sa tshabe gore, e ka re gongwe,  ka moso ba rutlololwa, go twe ba ipeile fela foo. O bolelwa a thaegile jalo Kgomodiatshaba. Gore go tsile jang gore go tle go tshwarelwe moletlo wa diteme koo, foo ga  go  bolelwe. Mme one moletlo wa diteme ke eng?

Go bolelwa fa moletlo o, e le wa go ipelela dipuo tse batho, ka go farologana, re di buang. Jaaka re itse, mono Botswana re tshaba e le nngwe, re bua Setswana; mme gape re merafe e e farologanyeng.

Editor's Comment
Closure as pain lingers

March 28 will go down as a day that Batswana will never forget because of the accident that occurred near Mmamatlakala in Limpopo, South Africa. The tragedy affected not only the grieving families but the nation at large. Batswana throughout the process stood behind the grieving families and the governments of Botswana and South Africa need much more than a pat on the back.Last Saturday was a day when family members said their last goodbyes to...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up